Chemicals (Maize)								Tswana



Akanya pele o dirisa dikhemikale



Instructions:

Folio Strap: Taolo ya khemikale

Byline: Corné Louw, moitseanape wa ikonomi ya temothuo: Ntshodikuno/Ditsenngwateng , Grain SA 

Photos 

Photo 1: Se ke se se diragalang fa o kgatsha mmidi ka sebolayatlhatshana pele o siamela go kgatshiwa.

Photo 2: Netefatsa gore o latela dikakanyotheo ta motheo fa o tshela dibolayasenyi.



Dikhemikale tsa temothuo di ka nyeletsa dijalo tsa gago, go na le go di sireletsa, fa di sa tshelwe go ya ka dikatlanegiso tse di rebotsweng le ka kelotlhoko e e tlhokegang. Ka go latela dikakanyotheo tsa motheo fa o reka le go tshela dikhemikale, montshakuno a ka thibela tshenyo e kgolo mo dijalong tsa gagwe.



Fa o tshela dikhemikale, ela tlhoko tse di latelang:

A tlhabego ya setemothuo e kwadiseditswe sejalo se se kgethegileng (mono Aforikaborwa) le go bolaya mofero, fankase kgotsa tlhaselo e e rileng?

A seelo se se atlanegisitsweng sa khemikale se tshelwa jaaka go laetswe?

A maemo a loapi ka nako le morago ga tshelo a dumelana le maemo a a rebotsweng?

A nako ya tshelo e tshwana le e e laotsweng, sekao, phakela thata kgotsa thapama thata?

A maemo a tshimo koo dijalo di jetsweng a mo logorong lwa ditlhokego, sekao, bongola jwa mmu le mofuta wa mmu?

A dikgatotaolo kgatlhanong le tlhaselo di diragaditswe ka nako ya kgatokgolo e e laetsweng ke kaedi tsa tiriso?

Ditlamorago – a tlhabego ya setemothuo e na le bokotsi bongwe mo thulaganyong ya thefosanyodijalo – ka mafoko a mangwe mo dijalong tse di latelang?

A tlhabego ya setemothuo e ka tswakannywa le ditlhabego tse dingwe – sekao, sebolayatlhatshana se se rilengle dibolayatlhatshana tse dingwe le/kgotsa dibolayasenyi le dibolayafankase ts dingwe.



Go fokotsa mathata a a amanngwang le tsholo ya dikhemikale go ya pele, Grain SA e atlanegisa gore bantshakuno ba netefatsa gore fa ba reka dikhemikale ba tsaya tsia tse di latelang: 



Moemedi o rurifatsa gore setlamo se a se emetseng ke tokololo ya CropLife SA;

Setlamo se se phasalatsang se tshwanetse sa bo se le tokololo ya ACDASA;

Moemedi o tshwanetse go netefatsa gore o rutegile (o weditse ka katlego tlhatlhobo ya AVCASA); le 

Dikatlanegiso di tshwanetse tsa bo di kwadilwe e bile di kannwe ke moemedi.



Bantshakuno ba tshwanetse gape ba ele tlhoko gore phokolelo e ka diragala ka nako ya tshelo ya dikhemikale, bogolosegolo ka kgatsho go tswa mowing, mme ba leke go fokotsa se. Tshenyo e kgolo e tlholwa fa dikhemikale tse di ka wela mo masimong a boagisani a a nang le dijalo tse di bosisi.



Pabalesego ya dijo e botlhokwa mo go maswe. Ka go tshela dikhemikale ka nepo le go tshola rekoto ya ditshelo tse, bantshakuno ba tlaa bob a fentse dintlha tsa tshireletsego ya dijo e e tshosang.



